Mmereki wa pele wa BMC in Maun
11 December, 2012
QUESTION Re batla go busediwa mo tirong Mmamalome: Ke ne ke le mmereki wa matlhabelo a Maun (BMC). Erile matlhabelo a BMC a tswalwa ka 1997 modulasetilo wa nako eo a re itsese fa matlhabelo a tswalwa ka re wetswe ke seru sa bolwetse jwa lekgwafo. Mme a re solofetsa gore e tlaare seemo se tla mannong, BMC e bulwa gape, re tla nna ba ntlha go busediwa mo tirong. Mme ga go a ka ga nna jalo. Fa e bulwa re ne ra kwalela kwa BMC re kopa go boela mo tirong mme ga go na ope wa rona yo o bonyeng phetolo. Gape motho yo o neng a hira ke wa Maun. O hirile lesika le ditsala bontsi. Ke eletsa gore go tlhotlhomisiwe gore o ne a hira jang. Tona yo o lebaganeng le lephata le ke kopa gore a tlhotlhomise. Nka leboga ANSWER Setlogolo: Kgang ya gago ke a e utlwa, mme kgakololo ya me ke gore o latedise metlhala e e maleba go itsise bogogi jwa matlhabelo ka ngongorego ya gago. Mo lekwalong la gago ga go tlhalosege gore a e ne ya re go sa boneng phetolo ga gago le bangwe-ka-wena la latedisa go utlwa gore ke ka go reng dikopo tsa lona tsa ikopelo tiro di sa atlega. Se le ka se dirang mo nakong eno ke go ikgolaganya le ba matlhabelo go batlisisa ka ditselana tsa go isa dingongorego. Ditselana tse di tshwanetse tsa go tsamaisa go fitlhela o goroga kwa setlhoeng. Ka kgang ya tshokamo mo go thapeng badiri ga mookamedi wa matlhabelo a Maun, ke go rotloetsa go ikopanya le makalana a tshwana le la twantsho tshenyetso setshaba kgotsa DCEC le lone le tlaa dupang kgang eo go bona gore a e na le boammaaruri. Gape o ka ikopanya le mopalamente wa gago. ENDS
read more








                    
                    
