Featured Articles
Blog
Editors Note
                    Ipuse ka go itirela
Fela jaaka a opetse Kgalemang -a-Motsete pele a ikela badimong, Botswana o tumile ka ina le lentle. Ina le lentle le a le itiretseng ka go rena ga kutlwano le kagiso.
Botswana o phamotse boipuso ngwaga tse di masome a mane le bosupa tse di fetileng mme go ntse go rena kagiso.
	Ka jalo, go maleba gore Batswana ba ipelele letsatsi le, ba le somarele gore le seka la latlhegelwa ke boleng ka tota ba le sego go bo ba tshelela mo lefatsheng la thitibalo.
	
	Botswana ga se lefatshe la bo ntwa dumela ka go bo Batswana ba tsweletse ka go tshegetsa tumelo ya gore molemo wa kgang ke go buiwa ebile mafoko a kgotla a tla a le mantle otlhe.
	Ka jalo ntwakgolo ke ya molomo eseng tshololo ya madi.
	
	Go tswa ka ngwaga wa 1966 go fitlha gompieno go nnile le ditlhabololo tse dintsi go tokafatsa matshelo a batho.
	Go nankola di se kae tsa botlhokwa, tsa botsogo, maranyane a ditlhaeletsanyo, metsi a a phepa le mafaratlhatlha a go fetlhwa ga motakase di tsweletse sentle. Puso e tsweletse gape ka go lwantsha lehuma la nta ka tlhogo ka maano a le mantsi.
	
	Puso ga e kake ya kgona e le nosi. Tsoga Motswana wetsho ema ka dinao o dirise mananeo a puso go intsha mo lehumeng le go itlhabolola. Atlhama ke go jese ga kake a re isa gope.
	Motlhoka sa gagwe ke mo kang a sule, a re itireleng Batswana betsho re lese go baya mo pusong hela. Boleng jwa go ipusa ke go itirela re le fatshe le ka bongwe jwa rona.
	 
	Jaanong ka Botswana a le mo lobelong lwa go fitlhelela tema e a e itshegetseng ka Tebelopele ya 2016, “Tsogang, tsogang! banna, tsogang!Emang, basadi, emang, tlhagafalang, re kopanele go direla lefatshe la rona,” gore boipuso jwa masome a matlhano e nne jwa serodumo se se kwa godimo.
	
	Mme tla ke tseye sebaka se go eleletsa wena yo o tshotsweng ka tsatsi la boipuso go nna le tsatsi le le monate.
Ke boe ke gakolole wena yo o tla a bong o tsaya loeto gore se nwe o kgweetsa, fokotsa lobelo, dirisa lebante la koloi o bo o nne le mowa wa neelano le badirisi ba bangwe ba tsela.
Gakologelwa go ikwadisetsa ditlhopho kgwedi e e tlang! (October 4-27).
Weno Morulaganyi
Rre Thomas Nkhoma.
read morePolling
                    Is online betting an alternative income stream or a risk
Is online betting an alternative income stream or a risk
Results
Yes, it is an alternative income stream.: 0.00%
It is a risk. : 0.00%
Not sure.: 100.00%



















